02/11/2024
Stima Stima ehe golo fa nkile abo ke le mokwadi, motlhami le morulaganyi wa ditlhamo tsa setswana.. go tlare ke boele kwa.
....selo se nko re se rwaletse go sinalla fela, e tlalelang ka sefatlhego mme?....ijoooo..! Dilo tsa mmopi wa dilo tsotlhe ga se tse di ka ranolwang ke motho a apere boene, di batla sedimo se le gaufi thata ele sone se go ranolelang e bile o na le tsebe ya go se reetsa....
(Go bua mosadimogolo MmaKeorapetse a ntse a sutelela gaufi le mpaola oo mabetla, a eta a goga kobo ya gagwe e saleng a e rekelwa ke Keorapetse ga a simolola go berekela ko moepong wa kopore ko Selibephikwe, le one rra mariga a paka eo a ne a phaketse thata go tlhakana le mosarasarane o sa bolong go hohorega ka beke tsa bofelo tsa Moranang.. kana e ne ere fa o ka lala o beile metsi ka selwana phakela o fitlhele dikgapetlana fela.. ga o leba sentle thaba ya Mmamoilwa o le fa go ya Peleng, o ka tla ware gongwe leru le ole, go ntswe go sweusweu mo o sa boneng le tsene dipone tsa ko Thema tota..)
Waitse bana ba ka re golega, ebile ba ka re losa, ke gore ga ke gopola gore nna le Mmadikgang re kile ra jana ka meno ga nna tshwarang tshwarang ebile ke setse ke batla go bitsa bo nkadilatlha ba ba maherehere nna ke re motho o jesitse ngwanake a bona a ntirela, ruri nako e nngwe yare go e tshwara ka fa bogale re e tshupe ka yone..mme ditiragalo tse tsotlhe o ne a di itse fela a di loba, ke gore dine di diragalla ko ga gagwe..a o raa gore motho o ka ganwa ke dijo go se sepe, le one Sala o tlhapa fela a monkgela, hehehee.. tota ke ganne go bona motho a phakelela go kgwa mo go sa tlwaelesegang, a tswalega matlho, le botho e kare bo a latlhega kare owai, mosadi yo goriana o tshega le nna a itse gore o fitlhile mokgwa go batla go tswala lwapa lame ka letlhaku..
A ko tlhe mme nako ya teng ke bitse bo kgaitsadiake re botsolotse ngwana kana nkabo go ise go nne le kgotlhang gope..mme go tlaare ke fokotse bogale...
Tshepiso wee..! A ko o tlhole gore a motsetsi o apesitse ngwana serame se se bogale.. o bone gore a ga a rola mmese le tsone diatla tseo o di tsenye mo dikobong, o tabole magala gongwe a le a timile...
(A tswelela jalo mmaKeorapetse a lebile ko godimo ete o bala dinaledi, kana o ne a fatlhiwa ke mosi..! Kana bogale jwa gagwe bone bo gaisa le tsone dintja tsa maburu, bogolo jang ga a ka utlwa gotwe ngwana o rile, ijooo! O tla mofapha pele ka serwabi pele a ka utlwa kgang sentle ke gore o ereetsa a boloditse ntwa..)
Mosimanyana o na le ene o re bolaisitse serame, a mme yone P**a ya tle ene ka Moranang, ene a bo a tla Motsheganong a simolola le gone makuku, mo ke gone mo gotweng Bontshetse bo sale mahube, ngwana yo o tsile go re boloka, o tsile go boloka le sechaba...kana ga nkabo nko e re erwaletse go dupelela nkabo ke sa bolo go itse gore go kgwa mole le go ruruga matlho go kaa gore re tla tsholelwa Ntate..
Ka 01.05.19... go ile ga belegwa Bontshetse "Ntate" Benson Monakwane.. ko Lobatse yo a ileng a bidiwa Setimamolelo ka gore o ne a rata go agisana thaka tsa gagwe a rata ko go nnang go itumetswe... ke ka moo a ile a bona gore a dire project a ebitse Stima93 investments pty ltd
Ke kopa di poresente tseo..